Batho Pele
GO BAYA BATHO PELE
RE MMOGO
Ke mabapi le go dira mmogo re le ditlhopha le badirimmogo
RE A TSHWENYEGA
Ke mabapi le go tshwenyega ka batho ba re ba abelang ditirelo
RE A DIRELA
Ke mabapi le go dira go feta ka mokgwa o re tshwanetseng go dira ka teng
RE MMOGO
RE A TSHWENYEGA
RE A DIRELA
MELAWANA
Ditherisano Baagi ba tshwanetse go itsisewe ka ga maemo le boleng jwa ditirelo tsa setšhaba tse ba di amogelang mme, mo go kgonagalang, ba tshwanetse go neelwa tlhopho ka ga ditirelo tse ba neelwang tsona.
Maemo a Ditirelo Baagi ba tshwanetse go bolelelwa gore ke maemo le boleng bofe jwa ditirelo tsa setšhaba tse ba yang go di amogela gore ba kgone go lemoga gore ba solofele eng.
Phitlhelelo Baagi botlhe ba tshwanetse go fitlhelela ditirelo ka go lekana tse ba tshwanetseng go di amogela.
Bopelonomi Baagi ba tshwanetse go tsholwa ka bopelonomi le tlhokomelo.
Tshedimosetso Baagi ba tshwanetse go neelwa tshedimosetso ka botlalo, e e nepagetseng ka ga ditirelo tsa setšhaba tse ba tshwanetseng go di amogela.
Go baya dilo mo pepeneneng le go tlhoka sephiri Baagi ba tshwanetse go bolelelwa gore mafapha a bosetšhaba le a porofense a tsamaisiwa jang, a bitsa bokae le gore ke mang yo o laolang.
Go siamisa Fa maemo a tirelo a a tshepisitsweng a sa abiwa, baagi ba tshwanetse go kopiwa tshwarelo, go neelwa tlhaloso ka botlalo le paakanyo ya ka pele e e siameng;gape fa dingongorego di diriwa, baagi ba tshwanetse go amogela karabo ya nnete ya kutlwelobotlhoko.
Boleng jwa tšhelete Ditirelo tsa setšhaba di tshwanetse go tlamelwa ka tshomarelo le ka tshwanelo go neela baagi boleng jo bo botoka jwa tšhelete ka mo go kgonegang.
WEBSAETE E E KA DIRISIWANG:
Re dira mmogo ka matlhagatlhaga malebana le kabo ya ditirelo
E tlhamilwe le go tlhagisiwa ke Lefapha la Ditirelo tsa Puso le Tsamaiso
